Monday, September 6, 2010

Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong

Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong
Thero ka moletlo wa go lebogela thobo, e le ka 05. 09. 2010                                                                   45/2010
Mo leineng la Modimo o e leng Rara le Morwa le Mowa o o Boitshepo!

1.            Sefela sa 360 - 330/341

2.            Thapelo: Modimo, Rara wa rona yo o kwa legodimong, re a kopa Mowa o o Boitshepo wa gago gore o re rute go go leboga ka tshwanelo. Re kopa jalo mo leineng la Mopholosi wa rona, Jesu Keresete. Amen.

3.            Epistolo ka fa thulaganyong ya 4 e kwadilwe mo go 1 Timotheo 4:4-5;
Efangele ka fa thulaganyong ya 1 e kwadilwe mo go Luka 12:13-21.

4.            A go ipolelwe tumelo ya bokeresete!                                                                     5. Sefela sa 13 -13/14
6.            Thapelo ya mmadi wa thero.                          7. Epistolo ka fa thulaganyong ya 2 e kwadilwe mo go
2 Bakorinthe 9:6-15, e re: "Mme akanyang tse: Yo o jwalang go le gonnye le gona o tla roba go le gonnye; mme yo o jwalang go le gontsi le gona o tla kotula go le gontsi. A mongwe le mongwe a abe ka fa a ikaeletseng ka teng mo pelong, e seng ka bohutsana gongwe ka go patelediwa; gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo. Mme Modimo o nonofile go lo atisetsa neo nngwe le nngwe ya bopelotlhomogi, gore lo nne le tsotlhe tse di lekanyeng ntlheng tsotlhe ka gale, le letlotlo la go ka dira tiro nngwe le nngwe e e molemo; jaaka go kwadilwe ga twe: 'O gasitse, a fa bahumanegi; tshiamo ya gagwe e nna ka bosakhutleng.' Mme yo o nayang mojwadi peo le senkgwe sa go jewa, le lona o tla lo naya peo ya lona, a e atisa, a ba a godisa maungo a tshiamo ya lona, gore lo hume dilo tsotlhe go ka dira tiro nngwe le nngwe ya lorato e e direlang Modimo tebogo ka rona. Gonne tirelo ya go thusa jalo ga e tlatse go tlhoka ga baitshepi fela, mme e bile e atile ka malebogo a mantsi mo Modimong; gonne boikanyego jwa lona jo bo itshupang ka tirelo eo bo dira gore ba galaletse Modimo ka ntlha ya maipolelo a lona a go utlwa Efangele ya ga Keresete le ka ntlha ya nnete ya go kopana nabo le botlhe. Mme le bone ba tla lo rapelela, ka ba lo tlhologeletswe ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo bogolo mo go fetisang mo go lona. Mme Modimo a o lebogelwe neo ya ona e e fetang go ka bolelwa!" Amen.

8. Thero: Barategi mo Moreneng, go monate go leboga MORENA, Pes. 92:1. Ke nnete go ntse jalo, go monate go leboga Modimo wa rona, yo e leng Motlhodi le Mmoloki wa rona, le Rara wa rona mo legodimong, gonne o molemo. Modimo o re abela ka metlha tsotlhe tse re di tlhokang mo botshelong jwa rona. Re a itse, fa o re direla tsotlhe tseo ka bopelotlhomogi le ka bopelonomi jwa ona. Re utlwile ka tseo, re ithutile ka tseo, re di itse tota ka lorato lwa ona lwa go re rata ba re leng batho ba ona ka kolobetso. Tota re ba ba tlhophilweng ke ona ka bopelotlhomogi jwa ona mo go Keresete. Re itse Efangele ya ona, re le itse tota. Dipelo tsa rona di tshwanetse go penologa ka tebogo, gonne re itse bopelotlhomogi jo o re utlwelang botlhoko ka jona. Paulo a kwala, a re: Gonne lo itse bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu gore le fa a ne a humile, o ne a humanega ka ntlha ya lona gore lo hume ka khumanego ya gagwe, 2 Kor. 8:9. Barategi mo Moreneng, moletlo ono wa go lebogela thobo ga se moletlo wa gore re ikgalaletse, gongwe go godisa thata ya rona, le e seng go tlotlomatsa go bereka ga rona ka tlhoafalo. Ke moletlo wa go leboga Modimo wa rona. Fa re o leboga, re gopola ka metlha tiro ya ona e o e re diretseng, ke raya tiro ya go re golola mo losong lo lo sa khutleng, le mo kgolegelong ya boleo, le mo thateng ya ga Satane. Mopholosi wa rona o ne a humanega gore re hume, rona ba re leng bahumanegi ba ba tlhomolanga pelo, gore re hume ka dikhumo tsa legodimo.

Fa re dira moletlo wa go lebogela thobo, re leboga Modiri wa rona, gonne o re abela tse dintsi.tse di molemo. Ke nnete. O abela batho botlhe le ba ba sa siamang tse di molemo, senkgwe sa letsatsi le letsatsi, le fa ba sa rapele, le fa ba sa leboge, mme mo thapelong ya Morena re a kopa gore a re lemose gore ke ene yo o di re abelang, re tle re di amogele ka tebogo, ke raya le sejo sa letsatsi. Se re tshwenngwang ka sona, le se se tshwenyang batho botlhe ke go lebala bopelotlhomogi le lorato lwa Modimo, lo o re ratang ka lona. Ka nako e nngwe re a gopola gore Modimo o tshwanetse go re abela tse re di tlhokang. Re a gopola gore ke tshwanelo ya Modimo gore o re otle, le go re fa tse di molemo. Motlhodi wa rona o re abela botshelo, o re naya tse re di tlhokang mo botshelong jwa rona. Ke tshwanelo ya rona gore re mo leboge. Ka bopelotlhomogi jwa ga Jesu Keresete re humile thata. Ka bopelotlhomogi jwa ga Jesu Keresete re abetswe botshelo jo bo sa khutleng, jo e leng botshelo jwa go tshela mo pusong ya gagwe. Bopelotlhomogi jo jwa ga Jesu Keresete bo okamela botshelo jwa rona, dikakanyo le ditiro tsa rona.

Mo lokwalong le Lefoko la thero ya kajeno le ntshitsweng mo go lona moapostolo Paulo o bua le phuthego ya gagwe ka ga dikabelo, a re: “Mme akanyang tse: Yo o jwalang go le gonnye le gona o tla roba go le gonnye; mme yo o jwalang go le gontsi le gona o tla kotula go le gontsi. A mongwe le mongwe a abe ka fa a ikaeletseng ka teng mo pelong, e seng ka bohutsana gongwe ka go patelediwa; gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo, 2 Kor. 9:6-7. Koleke, gongwe kabelo mo phuthegong ke tsela e ntle go leboga Modimo ka ntlha ya tsotlhe tse re di amogelang mo diatleng tsa ona, o e leng Mong-wa-thata-tsotlhe. Tebogo ga e a tshwanela go tlhaga ka go bediwa, gongwe ka go patelediwa. Tebogo ga e a tshwanela go tlhaga ka go gatelelwa fa fatshe. Tebogo ya nnete e tlhaga mo pelong ka kgololesego. Tebogo e tlhaga mo pelong e e itumelelang Morena yo montle wa rona ka go mo rata. Ke nnete re ruta bana ba rona go amogela se ba se abelwang ka diatla tse pedi, ka go leboga. Beibele le Kategisima di re ruta go leboga, gonne mo dikotsing  le mo ditlalelong re lebala ka pele go lebogela tse di molemo tse re di amogelang mo Modimong ka metlha. Tebogo ke leungo lengwe la tumelo. Le dikabelo tsa rona tota-tota ke maungo a tumelo, gonne ka tsona re leboga Modimo wa rona. Ka dikabelo re galaletsa Modimo, Ka go ntsha dikabelo re supa gore re utlwa Modimo. Ka dikabelo re supa gore re rata yo e leng Motlhodi le Mmoloki wa rona. Re gololesegile ka bopelotlhomogi jwa gagwe, o re pholositse ka loso lwa gagwe, o re femela ka malatsi otlhe, o re naya tse re di tlhokang ka malatsi otlhe mo botshelong jwa rona. Ke nnete, o re abela botshelo jo bo sa khutleng. Ka moo ke rata go mo leboga ka dikabelo tsa me.

Go leboga Modimo ka madi a rona ke leungo lengwe la tumelo ya rona. Tumelo ya rona e ungwa leungo le la go abela dikoleke. Ga re leke go reka sepe mo Modimong ka dikabelo tsa rona, mme re o leboga ka tsona ka pelo yotlhe ya rona. Lefoko le re: Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo. Ga re abele dikoleke tsa rona ka ntlha ya go patelediwa ka thata ya molao mongwe. Re ntsha dikabelo ka go leboga, re ntsha dikabelo ka go rapela, re ntsha dikabelo ka pelo e e lebogang, e e dumisang Modimo. A re se ka ra nyatsa Motlhodi le Mmoloki wa rona ka go leka go ithuanya el ene ka dikabelo tsa rona, mme re mo leboge ka tsela e e siameng. Go monate go leboga Modimo, go molemo, ke tshwanelo. Go monate go leboga Morena, Pes. 92:1.

Madi a e leng dikabelo tsa rona a tswa kae? Dikabelo tseo tsa rona di tlhaga kae? Karabo e e bona mo Lefokong la thero ya kajeno, le le reng: Mme yo o nayang mojwadi peo le senkgwe sa go jewa, le lona o tla lo naya peo ya lona, a e atisa, a ba a godisa maungo a tshiamo ya lona, gore lo hume dilo tsotlhe go ka dira tiro nngwe le nngwe ya lorato e e direlang Modimo tebogo ka rona. Tsotlhe tse re nang natso di tswa mo Modimong, mo go Raraetsho yo o mo legodimong. Tsotlhe tse re di ntshang go nna kabelo ke tsa ona tota. Ga se rona ba re o neelang, mme ke ona o o re nayang tsotlhe. Ka dikabelo re thusa gore puso ya ona e atisiwe gore e gorosiwe le mo bathong ba bangwe mo lefatsheng. Gonne tirelo ya go thusa jalo ga e tlatse go tlhoka ga baitshepi fela, mme e bile e atile ka malebogo a mantsi mo Modimong; gonne boikanyego jwa lona jo bo itshupang ka tirelo eo bo dira gore ba galaletse Modimo ka ntlha ya maipolelo a lona a go utlwa Efangele ya ga Keresete le ka ntlha ya nnete ya go kopana nabo le botlhe. Mme le bone ba tla lo rapelela, ka ba lo tlhologeletswe ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo bogolo mo go fetisang mo go lona. Kabelo ya rona e thusa baitshepi, e tsala tebogo e kgolo thata le mo badumeding ba bangwe, go agiwa bojelwane fa gare ga rona le ba bangwe ba ba tsenang kereke mmogo le rona.

Lefoko la thero ya kajeno le khutla ka go leboga, ka go leboga thata, le go tsoseletsa phuthego ka Lefoko le lentle le le reng: Mme Modimo a o lebogelwe neo ya ona e e fetang go ka bolelwa!" Re tlhoka mafoko a a re tsoseletsang go leboga Modimo ka tshwanelo. Ga re kgone go leboga Modimo ka fa o ratang gore re o leboge ka teng. A Modimo o re thuse ka metlha gore re bue mafoko a mantle go o leboga ka tshwanelo. A re o lebogeng ka go opela le ka go sina, re o leboge ka go opa diatla le ka diphala. Re o leboge ka dikabelo le ka boineelo. Re o leboge ka botshelo jotlhe jwa rona. Modimo a o lebogelwe neo ya ona e e fetang go ka bolelwa! Amen.

9.            Thapelo: Baka MORENA, mowa wa me, le tsotlhe tse di mo teng ga me, bakang leina la gagwe le le boitshepo! Baka MORENA, mowa wa me; se lebale sepe sa ditiro tse di molemo tsa gagwe! O itshwarela maleo a gago otlhe, O golola botshelo jwa gago mo tshenyegong, o go rwesa bopelotlhomogi le mautlwelobotlhoko mo tlhogong. O go kgorisa tse di molemo gore o busediwe bokaung jaaka ntsu. Amen.
Thapelo ya Morena: Rara wa rona yo o mo legodimong ...

10.          Sefela sa 5 - 5/5

A kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e boloke dipelo tsa rona le maikutlo a rona mo go Keresete Jesu, Morena, Morepholosi. Amen.
                                                                                                                               Thero eno e kwadilwe ke P. C. Weber, ka ngwaga wa 2010
Kgatiso le go rongwa ga dithero tseo go tshegediwa ke kopano e e bidiwang The Lutheran Heritage Foundation.

No comments:

Post a Comment