Friday, August 27, 2010

Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong

    Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong

Thero ka Sontaga 13 morago ga moletlo wa Borarobongwe, e le ka 29. 08. 2010    44/2010

Mo leineng la Modimo o e leng Rara le Morwa le Mowa o o Boitshepo!


 

1.    Sefela sa 299 - 274/280


 

2.    Thapelo:.Morena, Modimo Rara yo o mo legodimong, le kajeno re a go kopa gore o re abele Mowa o o Boitshepo gore o re thuse go farologanya lorato lo o lo bitsang ka molao wa gago mo go rona, le lorato lo o re ratang ka lona ka fa Efangeleng ya ga Morwao Jesu Keresete gore re gomotsege ka lorato lwa gago, re tsoselediwe go go rata bogolo go dilo tsotlhe, le bakaulengwe ba rona, jaaka re ratilwe ke Morwao. O re utlwe ka ntlha ya ga Jesu Keresete, Morwao, Morena wa rona. Amen.


 

3.    Epistolo ka fa thulaganyong ya 6 e kwadilwe mo go Baefeso 6:1-7;

Efangele ka fa thulaganyong ya 1 e kwadilwe mo go Luka 10:25-37.


 

4.    A go ipolelwe tumelo ya bokeresete!    5. Sefela sa 298 - 273/279

6.    Thapelo ya mmadi wa thero.    7. Epistolo ka fa thulaganyong ya 2 e kwadilwe mo go

1 Johane 4:7-12, e re: "Baratwa, a re rataneng; gonne lorato lo tswa Modimong, mme mongwe le mongwe yo o nang le lorato o tsetswe ke Modimo, e bile o itse Modimo. Yo o se nang lorato, ga a a ka a itse Modimo; gonne Modimo ke lorato. Lorato lwa Modimo lo bonetse mo go rona ka gore Modimo o rometse Morwaa-ona mo lefatsheng yo o tsetsweng a le esi, gore re tshele ka ene. Lorato lo ntse jaana: Ga se rona re ratileng Modimo, mme ke ona o ratileng rona, wa romela Morwaa-ona go nna thuanyo ya maleo a rona. Baratwa, fa Modimo o re ratile go le kalokalo, le rona re tshwanetse go ratana. Ga go ope yo o kileng a bona Modimo. Fa re ratana, Modimo o nna mo go rona, le lorato lwa one lo tletse mo go rona." Amen.


 

8. Thero: Barategi mo Moreneng wa rona Jesu Keresete, go buiwa tse dintsi ka ga lorato. Modimo o rata go re thusa go farologanya sentle fa gare ga mefutafuta ya tse di bidiwang lorato mo bathong. Le lorato lo lo kaiwang lorato mo bathong ke tse di itumedisang, mme re tshwanetse go tlhokomela tota gore re tlhaloganye lorato lo Modimo o lo bitsang lorato mo Lefokong la gagwe, gore re se itsietse ka go latela tlhaloso ya lorato lo lo fapaanyeng tota le lo lo kaiwang lorato ke Modimo. Mo dikgweding tse di fetileng re setse re utlwile gore Modimo o kaya lorato, fa e le lorato fela lo lo tsamaelanang le ditaolo tsa ona tota. Lorato lo lo kaiwang ke batho, fa e le lorato, gongwe thatano e e diragalang fela ka go tlola ditaolo tsa Modimo, ga se lorato lo Modimo o lo bitsang lorato mo Lefokong la lona. Ga se lorato, mme ke ditlolo tsa molao wa ona mo matlhong a Modimo. Mo Lefokong la thero ya kajeno re bona, fa Modimo o bua ka moapostolo wa ona go re thusa go tlhaloganya selekanyo sa lorato lo Modimo o lo bitsang lorato, fa e le lorato

1. lo ba ba tsetsweng sešwa ba ratang ka lona,

2. lo ba ba itseng Modimo wa nnete ba ratang ka lona,

3. lo ba ba dumelang mo thuanyong ya ga Jesu Keresete ka lona,

4. lo bana ba Modimo ba ratanang ka lona.

1. Lefoko la thero ya kajeno le bua ka ga lorato lwa motho yo o tsetsweng ke Modimo.Yo o iseng a tsalwe sešwa ka metsi le Mowa o o Boitshepo ga a kgone go rata ka lorato lo Modimo o lo bitsang mo go ene, o sa ntse a le nama fela, gonne se se tsetsweng ke nama ke nama. Ke gore ga a ka ke a rata ka lorato lo lo kaiwang lorato ke Modimo. O sa ntse a tshwerwe mo thateng ya dikeletso tsa nama ya gagwe. Mme go eletsa, le go batla ga nama ke go tlhowa Modimo, ke go ganetsa Modimo, ga se go o rata. Go batlega gore Modimo o tsala motho sešwa ka metsi le ka Mowa, mo kolobetsong gore phetogo e tsene, motho a tsene mo pusong ya Modimo, a laolwe ke thato le lorato lwa ona, go tingwe dikeletso tsa nama, go tshubiwe maitkutlo a mašwa le lesedi la lorato mo mothong.


 

2. Ka thuto ya bobedi ya Lefoko la thero ya kajeno go tshwaiwa lorato, fa e le lwa ba ba itseng Modimo. Yo o ratang o itse Modimo. Ke gore yo o sa itseng Modimo wa nnete ga a rate ka lorato lo lo kaiwang ke Modimo, fa e le lorato. Ke Lefoko le le re tsoseletsang gore re gopole botlhe ba ba sa dumeleng mo Modimong wa nnete, ba ba latelang medimako, le ba ba sa rateng go amogela tumelo ya bokeresete ya go dumela mo Modimong o e leng Rara le Morwa le Mowa o o Boitshepo. Yo o sa itseng Modimo o wa nnete ga a rate tota, le fa a bua tse dintsi ka ga lorato, le thatano, le kutlwano, le kamogelano fa gare ga batho.


 

3. Tseo di bonala bogolo ka thuto ya boraro ya Lefoko la thero ya kajeno. Modimo wa nnete ke o o romileng Morwaaona Jesu Keresete mo lefatsheng gore a tsalwe ke Maria wa lekgarebe, a bogisiwe, a ineele mo losong, mo losong lwa sefapaanong gore a baakanyetse batho ba merafe yotlhe, ba dipaka tsotlhe thuanyo, a duele molato wa maleo a batho, a fenye loso le Satane ka tsogo ya gagwe mo baswing, a re baakanyetse manno mo pusong ya Modimo, mo botshelong jo bo sa khutleng mo kgalaleong ya Modimo. Thomo ya ga Morwa Modimo ke selekanyo tota sa lorato lwa Modimo, jaaka go kwadilwe mo Lefokong la thero ya kajeno gore lorato lwa Modimo lo bonetse mo go rona ka gore Modimo o rometse Morwaa-ona mo lefatsheng a le esi gore re tshele ka ene. Ka thomo ya ga Morwaa-ona Modimo o supile tota, fa e le lorato. Ke wa lorato lo lo bipang bontsi jwa maleo a rona. Go itse boammaaruri joo, le go dumela jalo ka pelo yotlhe ka go rata Modimo tota. Fa motho a sa dumele gore maleo otlhe a gagwe a itshwaretswe ke Modimo ka fa tsholofetsong ya ona, yo o belaelang ka boammaaruri joo, o supa, fa a ise a itse Modimo wa nnete. Yo o sa o itseng o ka o rata jang?


 

Go rewa botlhe ba ba fetolang thulaganyo e ya Modimo e e reng: Ka lorato lwa ona Modimo o re baakanyeditse thuanyo, tetlano, boitshwarelo, pholoso le botshelo jo bo sa khutleng, ke raya ba ba e fetolang ka gore ke bone ka lorato lwa bone, fa ba ipaakanyetsa tsotlhe tseo, o ka re: ba ba gopolang gore ba ka reka Modimo. Modimo ga o rekwe gore o re baakanyetse sengwe, gongwe o re rate. O re baakanyeditse tsotlhe ka lorato lwa ona, le go re rata, re ise re o rate. Lorato lwa Modimo lo ntse jaana: Ga se rona re ratileng Modimo, mme ke ona o ratileng rona, wa romela Morwaa-ona go nna thuanyo ya maleo a rona. Modimo o re ratile go le kalokalo. Ka fa tlhagong ya rona re ne re sa itse boammaaruri jwa lorato lo lo kalokalo. Re senoletswe ke ona ka Lefoko la ona, jaaka Lefoko la thero ya kajeno le tiisa le re: Ga go ope yo o kileng a bona Modimo. Morwa yo o tsetsweng a le esi, yo o fa sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o re boleletseng ka Efangele ya gagwe. Ka re dumela tse re di baakanyeditsweng ke Morwa Modimo, re rata Modimo wa nnete.


 

4. Ka lorato lo lo kalokalo Modimo e bile o tsoseletsa lorato mo dipelong tsa rona gore re utlwe kaelo ya Lefoko la thero ya kajeno gore re ratane le bakaulengwe ba rona. Le a re: Baratwa, fa Modimo o re ratile go le kalokalo, le rona re tshwanetse go ratana. Fano go a batlega gore thatano ya rona e se nne lwa boitimokanyo, mme e nne lorato lo lo tshwailweng ke Modimo mo Lefokong la ona le le lo tshwaileng ka gore lorato lo bopelotelele, lo bopelontle, lorato go lo fufege; lorato ga lo ipoke, ga lo ikgogomose, ga lo boatla, ga lo ipatlele, ga lo gakele, ga lo sale bosula jwa motho morago; ga lo itumelele tshiamololo, mme lo itumelela boammaaruri. Lo iphapaanya le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Fa re itlhotlhomisa ka fa selekanyong se sa lorato lo lo kaiwang lorato ke Modimo, re lemoga ka pele gore ga re a rata jalo, ga re a rata, jaaka Modimo Rara, le Morwa o re ratile. Ka moo re ipona molato, re hutsafalela tlolo ya rona, mme ga re latlhe tsholofelo, mme re tabogela mo loratong lo Modimo o re ratileng ka lona gore lo bipe bontsi jwa maleo a rona. Ka lorato lo lwa ona o tshube lorato mo dipelong tsa rona gore re tsoselediwe go o rata bogolo go dilo tsotlhe, le go rata bakaulengwe ba rona, jaaka re ratilwe ke Modimo o e leng Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepo. Amen.


 

9.    Thapelo: Modimo, Mong-wa-thata-tsotlhe, o re fe tumelo e e siameng ya nnete, o e atise mo go rona ka malatsi otlhe, o re fe lorato le tsholofelo, re tle re go direle le bangwe-ka-rona ka fa natefelong ya gago, ka lorato lo o re ratileng ka lona ka ene Jesu Keresete, Morwao, Morena wa rona. Amen.

Thapelo ya Morena: Rara wa rona yo o mo legodimong ...


 

10.    Sefela sa 224 - 210/218


 

A kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e boloke dipelo tsa rona le maikutlo a rona mo go Keresete Jesu, Morena, Morepholosi. Amen.

    Thero eno e kwadilwe ke E. A. W. Weber, ka ngwaga wa 2010

Kgatiso le go rongwa ga dithero tseo go tshegediwa ke kopano e e bidiwang The Lutheran Heritage Foundation.

No comments:

Post a Comment